Setswana
| Setswana | |
|---|---|
| Setswana | |
| Native to | Botswana, Aforika Borwa, Sempakwe, Namibia |
| Language codes | |
| ISO 639-1 | tn |
| ISO 639-2 | tsn |
| ISO 639-3 | tsn |
S.31[1] | |
| Linguasphere | 99-AUT-eg incl. varieties 99-AUT-ega to 99-AUT-egn |
Setswana ke teme e e buiwang mo mafatsheng a Aforika Borwa, Botswana, Namibia le Zimbabwe. E le teme ya tlholego ya Borwa jwa Aforika e e buiwang ke batho ba ka nna didikadike di le 8.2.[2] Ke nngwe ya diteme tsa Bantu tse di welang ka fa tlase ga tsa Niger-Congo, sone Setswana mme se wela mo kaleng ya Sotho-Tswana mo kaleng ya Kgaolo S (S.30), mme se sikana thata le diteme tsa Sesotho le Sepedi, gape le diteme tsa Sekgalagadi le Serotsi.[3]

Setswana ke nngwe ya diteme tsa semmuso kwa Aforika Borwa, fa kwa Botswana gone e le puo ee tsewang e le yone ya lefatshe ka bophara. Bontsi jwa babui ba Setswana ba fitlhelwa kwa Bokone Bophirima jwa Aforika Borwa kwa batho ba dipalo di le didikadike di le nne ba se buang. Go na gape le tengwana e e buiwang kwa toropong ya Pretoria le mabapi e e bidiwang Sepitori, tengwana eo ke yone teme ya konokono ya toropo e. Dikgaolo tse tharo tsa Aforika Borwa tse di nang le babui ba le bantsi ke Gauteng (e e ka nnang 11%), Kapa Bokone, le Bokone Bophirima (go feta 70%). Go fitlha ka 1994, batho ba Aforika Borwa ba Batswana e ne e le baagi ba Bophuthatswana, nngwe ya di-bantustan tsa puso ya tlhaolele. Puo ya Setswana mo Kgaolong ya Bokone Bophirima e na le dipharologano tse mo go tsone e buiwang go ya ka merafe e e fitlhelwang mo setsong sa Setswana (Bakgatla, Barolong, Bakwena, Batlhaping, Bahurutshe, Bafokeng, Batlokwa, Bataung, le Batswapong, gareng ga tse dingwe); puo e e kwadiwang e nngwe fela.
E tswa Setswana se buiwa thata mo mafatsheng a Botswana le Aforika Borwa, go na gape le dipalonyana tsa babui ba Setswana mo mafatsheng a mabedi a Namibia le Zimbabwe; kwa Zimbabwe ga go tlhomamisege gore bakae, fa kwa Namibia ba balelwa kwa go dikete di le some.[2]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Moyuropa wa ntlha go tlhalosa puo eno e ne e le mojanala wa Mojeremane e bong Hinrich Lichtenstein, yo o neng a nna mo gare ga batho ba Batswana ba Batlhaping ka 1806 le fa tiro ya gagwe e ne e sa gatisiwe go fitlha ka 1930. O ne a tsaya Setswana ka phoso e le puo ya Sexhosa mme leina le a neng a le dirisa "Beetjuana" gape le ne le akaretsa puo ya Sesotho sa Bokone le Sesotho sa Borwa.
Tiro ya ntlha e kgolo ka ga Setswana e ne ya dirwa ke morongwa wa Moboritane Robert Moffat, yo le ene a neng a nna mo gare ga Batlhaping, mme a gatisa Bechuana Spelling Book le A Bechuana Catechism ka 1826. Mo dingwageng tse di latelang, o ne a gatisa dibuka tse dingwe di le mmalwa tsa Baebele, mme ka 1857, o ne a kgona go gatisa Baebele e e feletseng.[4]
Thutapuo ya ntlha ya Setswana e gatisitswe ka 1833 ke morongwa James Archbell le fa e ne e dirilwe ka sekao sa thutapuo ya Sexhosa. Thutapuo ya ntlha ya Setswana e e neng e e tsaya e le puo e e kgaoganeng le Sexhosa (mme e sa ntse e se puo e e kgaoganeng le dipuo tsa Sesotho sa Bokone le Borwa) e ne ya gatisiwa ke morongwa wa Mofora, E. Casalis ka 1841. O ne a fetola mogopolo wa gagwe moragonyana, mme mo kgatisong ya 1882, a gatisa gore dipuo tsa Sesotho sa Bokone le sa Borwa di ne di farologana le Setswana.[5]
Solomon Plaatje, motlhalefi le moitseanape wa puo wa Aforika Borwa, e ne e le mongwe wa bakwadi ba ntlha go kwala thata ka puo ya Setswana le ka ga yone.[4]
Medumo ya puo
[fetola | Fetola Motswedi]Ditumanosi
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaneo la ditumanosi tsa Setswana le ka bonwa fa tlase.[6]
| Ya kwa pele | Ya kwa morago | |
|---|---|---|
| Modumo o o kwa godimo | i ⟨i⟩ | u ⟨u⟩ |
| E e gaufi le modumo o o kwa godimo | ɪ ⟨e⟩ | ʊ ⟨o⟩ |
| E e fa gare | ɛ ⟨ê⟩ | ɔ ⟨ô⟩ |
| E e kwa tlase | a ⟨a⟩ | |
Dipuo dingwe di na le ditumanosi tse pedi tsa tlaleletso, ditumanosi tse di gaufi le bogare /e/ le /o/.[7] Potologo ya e le o ka kakaretso mo mokwalong wa Setswana e rotloediwa fela mo maemong a thuto a motheo e seng kwa ditlhopheng tse di kwa godimo tsa dikolo tse dipotlana kgotsago ya kwa godimo; gantsi tseno di kwalwa kwantle ga sediko.[8]
Ditumammogo
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaneo la ditumammogo tsa Setswana le ka bonwa fa tlase.[9]
| Labial | Alveolar | Palatal | Velar | Uvular | Glottal | ||||
|---|---|---|---|---|---|---|---|---|---|
| plain | sibilant | lateral | |||||||
| Nasal | m ⟨m⟩ | n ⟨n⟩ | ɲ ⟨ny⟩ | ŋ ⟨ng⟩ | |||||
| Plosive/
Affricate |
voiceless | p ⟨p⟩ | t ⟨t⟩ | ts ⟨ts⟩ | tɬ ⟨tl⟩ | tʃ ⟨tš⟩ | k ⟨k⟩ | ||
| voiced | b ⟨b⟩ | d ⟨d⟩ | dʒ ⟨j⟩ | ||||||
| aspirated | pʰ ⟨ph⟩ | tʰ ⟨th⟩ | tsʰ ⟨tsh⟩ | tɬʰ ⟨tlh⟩ | tʃʰ ⟨tšh⟩ | kʰ ⟨kh⟩ | kχʰ ⟨kg⟩ | ||
| Fricative | f ⟨f⟩ | s ⟨s⟩ | ʃ ⟨š⟩ | χ ⟨g⟩ | h ⟨h⟩ | ||||
| Liquid | r ⟨r⟩ | l ⟨l⟩ | |||||||
| Semivowel | w ⟨w⟩ | j ⟨y⟩ | |||||||
Tumanosi [d] ke allophone fela ya /l/, fa ya morago e latelwa ke ditumanosi /i/ kgotsa /u/.[10] Medumo e mengwe e mebedi, v /v/ le z /z/, e teng fela mo mafokong a a adimilweng.
Setswana le sone se na le ditumammogo tse tharo tsa tobetsa, fela tse di dirisiwa fela mo ditlhakeng kgotsa mo di-ideophone, mme di na le go dirisiwa fela ke kokomane ya bogologolo, mme ka jalo di a tswa mo tirisong. Ditumammogo tse tharo tsa tobetso ke tobetso ya meno /ǀ/, ka mokwalo ⟨c⟩; tobetso ya ka fa thoko /ǁ/, ka mokwalo ⟨x⟩; le go tobetsa ga alveolar /ǃ/, ka mokwalo ⟨q⟩.[11]
Go na le dipharologano dingwe tse dinnye tsa puo mo gare ga ditumammogo magareng ga babui ba puo ya Setswana. Ka sekai, /χ/ e lemogwa e le /x/ kgotsa /h/ ke babui ba le bantsi; /f/ e lemogwa jaaka /h/ mo dipuong tse dintsi; le /tɬ/ le /tɬʰ/ di lemogwa jaaka /t/ le /tʰ/ mo dipuong tsa bokone.[12]
Tumammogo /ŋ/ e ka nna teng kwa bokhutlong jwa lefoko e sa latelwe ke tumanosi (jaaka mo puong ya Jwaneng le Barolong Seboni).
Kgatelelo
[fetola | Fetola Motswedi]Kgatelelo e tlhomame mo Setswaneng mme ka jalo ka metlha e wela mo penult ya lefoko, le fa metswako mengwe e ka amogela kgatelelo ya bobedi mo karolong ya ntlha ya lefoko. Noko e kgatelelo e welang mo go yone e a leelefadiwa. Ka jalo, mosadi (woman) o lemogwa e le [mʊ̀ˈsáːdì].[13]
Segalo
[fetola | Fetola Motswedi]Setswana se na le medumo e mebedi, e e kwa godimo le e e kwa tlase, mme ya morago e na le phatlalatso e e anameng thata mo mafokong go na le ya pele. Medumo ga e a tshwaiwa ka mokwalo, se se ka nnang sa dira gore go se ka ga tlhaloganyesega sentle.[14]
go bua /χʊ búa/ "go bua".
go bua /χʊ bua/ "go ntsha letlalo la phologolo".
o bua Setswana /ʊ́búa setswána/ "O (ene) bua Setswana".
o bua Setswana /ʊbúa setswána/ "O (wena) bua Setswana".
Ntlha e e botlhokwa ya medumo ke se se bidiwang go anama ga modumo o o kwa godimo. Fa noko e na le segalo se se kwa godimo, dinoko tse pedi tse di latelang di tla nna le segalo se se kwa godimo ntle le fa di le kwa bokhutlong jwa lefoko.[15]
thata /simʊlʊla/ > /simʊ́lʊla/ "go simolola".
simologêla /símʊlʊχɛla/ > /simʊ́lʊ́χɛla/ "go simolola ka/kwa".
Mokwalo
[fetola | Fetola Motswedi]Mokwalo wa Setswana o ikaegile ka alefabete ya Selatine.
| (Di)Tlhaka | a | b | ch | d | e | ê | f | g | h | i | j | k | l | m | n | o | ô | p | ph | q | r | s | š | t | th | tl | tlh | tsh | u | v | w | x | y | z |
|---|
Tlhaka š e ne ya simolodisiwa ka 1937, mme modumo o o tsamaelanang le yone o sa ntse o kwalwa ka dinako dingwe e le ⟨sh⟩. Ditlhaka ⟨ê⟩ le ⟨ô⟩ di dirisiwa mo dibukeng tsa thuto le mo dibukeng tsa ditshupiso tsa puo, mme e seng thata mo mokwalong o o tlwaelesegileng wa letsatsi le letsatsi.[16][17]
Thutapuo
[fetola | Fetola Motswedi]Maina
[fetola | Fetola Motswedi]Maina mo Setswaneng a tlhaotswe ka ditlhopha tsa maina di le borobabongwe le setlhophapotlana se le sengwe, sengwe le sengwe se na le megatlana e e farologaneng. Ditlhopha tse di robabonbongwe le megatlana ya tsone ka go farologana di ka bonwa fa tlase, mmogo le ntlha e khutshwane mabapi le diponagalo tse di tlwaelesegileng tsa bontsi jwa maina mo teng ga ditlhopha tsa tsone ka go farologana.[18]
| Setlhopha | Bongwe | Bontsi | Dipharologanyo |
|---|---|---|---|
| 1. | mo- | ba- | Batho |
| 1a. | – | bô- | Maina, lesika, diphologolo |
| 2. | mo- | me-
ma- |
Tse di farologanyeng
(e akaretsa dikarolo tsa mmele, dithulusu, didirisiwa, diphologolo, ditlhare, dimela) |
| 3. | le- | ma- | |
| 4. | se- | di- | |
| 5. | n-
m- ny- ng- |
din-
dim- diny- ding- |
Diphologolo
(mme gape tse di farologanyeng) |
| 6. | lo- | Tse di farologanyeng
(di akaretsa mainagoboka a le palonyana) | |
| 7. | bo- | ma- | Leina le le sa tlwaelesegang |
| 8. | go- | Mefuta e e sa feleng ya madiri | |
| 9. | fa-
go- mo- |
Matlhalosi | |
Maina a mangwe a ka fitlhelwa mo ditlhopheng di le mmalwa. Sekai, maina a le mantsi a setlhopha sa ntlha a fitlhelwa gape mo setlhopheng sa ntlha (a), sa boraro, sa bone, le sa botlhano.[19]
Kgotla ya Batswana
[fetola | Fetola Motswedi]Kgotla e kaiwa mo setsong sa Setswana jaaka lefelo la botlhokwatlhokwa. Ke felo kwa melao ya morafe e dirwang gone le ditsheko di tsenelang gone. Kgotla ngwe le ngwe, go ya ka Setswana, e biletswa boreaitse go thaya kgotla gore go sireletswe kgosi le morafe. Go epelwa lenaka la mere kgotsa lenaka le beiwa mo mpontsheng go ya ka thato ya kgosi le baeletsi ba gagwe. Kgotla e agiwa go ya ka bogolo jwa morafe mme e agiwa jaaka seripagare sa kgolokwe.
Gantsi, ke Kgosi, borangwanaagwe le bao ba tlhopilweng ke ntlo ya kwa kgosing ba ba dirang le go fetola melao ya morafe. Manno kwa kgotla a dulwa go ya ka maemo a motho mo morafeng. Batlhanka le batlhoki ba dula kgakala le kgosi. Bomatwetwe, batlhabani ba diganka le bahumi ba dula gaufi le kgosi. Ke gone fa mannong fa moo go neng go bonwa gore ke mang yo nang le meraka e mentsi, e e sasailang ka metlhape ya dikgomo le letsomane la dinku.
Kgotla, kwa dipitso tsa morafe di tshwarelwang gone, ka gale e agiwa gaufi le kwa kgosing ka magong a ditlhare tsa mokgalo le moselesele, mme e agiwa ka mokwa yo o latelang:
- Manno a kgotla - gantsi ka fa tlase ga setlhare.
- Lepatlelo la kgotla – go amogela bao ba tla emang ka dinao kwa kgotla
- Leobo – moago e ruletsweng ka bojang.
- Leiso – kwa molelo o besiwang gone go ithuthafatsa, go apaya tota le go baya metsi mo isong.
- Lesaka la dikgomo.
- Ntlwana – e agiwa ka kwa morago ga lesaka
Kgotla e e kwa godimodimo ke kgotla ya kgosi. Mme yona e latelwa ke dikgotla tsa dikgosana le dikgotla tsa malapa. Senno sa kgotla se dirisiwa kwa kgotla fela, ga se tswe ka kgotla. Mme senno seno se dirwa ka legong la setlhare sa mokgalo, morolwana kgotsa mokabi. Dinno gantsi di betliwa ke banna ba motse. Mo malatsing a gompieno dikgotla di fetogile go tsamaya le dinako. Sepodisa le meago mengwe ya puso e agiwa gaufi kgotsa go nna karolo ya kgotla.
Losika la puo ya Setswana le Merafe e mengwe
[fetola | Fetola Motswedi]Setswana se sikana thata le Sesotho, puo e e buiwang kwa Aforika Borwa le Lesotho. Se se dira gore babui ba dipuo tse ba tlhaloganyane motlhofo go gaisa ba dipuo tse dingwe tse di mabapi.[20] Le fa go ntse jalo Puo ya Setswana ga e tshwane thata le ya Sesotho, di nale modumo o o di farologanyang mme ebile seo se ka tlhalogangwa botoka ke babui ba Botswana le Lesotho.[21].
Nelane
[fetola | Fetola Motswedi]Nalane ya setswana e tshwanetse ya bo e wela fa go tse dingwe tse di fitlhegileng go fetisisa mo lefatsheng. Seno se dirwa bokete le go fitisisa ka ntlha ya gore ga e a kwalwa mofatshe, e sale e le mafoko a molomo a a fetisiwang go tswa go batsoga-pele go ya kwa baneng. Botshelo jwa boteduputswa ba setswana, bo fitlhelwa gantsi mo dipokong le mo dikwalong dingwe tsa di padi le dikgankhutswe. Maitlhomo magolo a karolo e, ke go leka go kopanya fa go kgonagalang, tsa botshelo jwa maloba, mme fela re rata go rotloetsa batswana go bala setswana.
Setswana mo Aforika Borwa
[fetola | Fetola Motswedi]
Go ya ka bodulo, puo ya Setswana e phatlhaletse thata mo Aforika Borwa mme e buiwa thata ke merahe ee ko Bechuanaland Protectorate, Bokone-Botlhaba jwa Profinsi ya Kapa (British Bechuanaland and Griqualand West), Bogare, Bophirima ba Free State le Bophirima ba Transvaal. Legale bogolo ba ditulô tse di mo sekakeng se se senang metsi sa Kalahari ebile sena le baduli ba ba nnye ka palo.
Go na le Merafe e mengwe ee dirisang puo ya Setswana e tswa e se merafe ya Batswana.Yone e akaretsa BaKalanga, BaHerero, Madamara, BaKoba, BaMbukushu, BaSubia, BaKgalagadi, BaSarwa, jalo jalo. Merahe ya BaTswana ka bo yone e ka faroganngwa ka dikarolo tse nne, e leng, Bogareng, Borwa, Bokone le Botlhaba. Dikarolo tse tharo tsa ntlha di ka kaiwa e le tsona tse di dirang diteme tsa Bophirima tsa Setswana.
Bontsi jwa batho ba ba buang Setswana ba fitlhelwa kwa lefatsheng la Aforika Borwa segolo bogolo mo diporofenseng tsa Bokone Bophirima (North West) le Kapa Bokone. Batswana ba Aforika Borwa ba ka nna didikadike di le 3.4 fa Batswana ba Botswana ba ka nna sedikadike le go feta (gongwe 1.3). Batswana ba Namibia le ba Zimbabwe ba palo potlana. Legale ditirelo tsa kgaso tsa Namibia di gasa gape ka Setswana.
Setswana ke puo e e monatenate, e e nonneng ka e bile e buiwa mo mafatsheng a mane a a mo borwa jwa Aforika. Baithuti bangwe ba dipuo bare Setswana ke nngwe ya dipuo tse di matswakabele thata go gaisa tse dingwe tsa borwa jwa Aforika.
Setswana se na le manatetsha puo a mantsi jaaka diane, dithamalakwane le maele.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Jouni Filip Maho, 2009. New Updated Guthrie List Online
- 1 2 Tswana at Ethnologue (18th ed., 2015) (subscription required)
- ↑ Makalela, Leketi (2009). "Harmonizing South African Sotho Language Varieties: Lessons From Reading Proficiency Assessment". International Multilingual Research Journal. 3 (2): 120–133. doi:10.1080/19313150903073489. S2CID 143275863.
- 1 2 Janson & Tsonope 1991, pp. 36–37
- ↑ Janson & Tsonope 1991, pp. 38–39
- ↑ University of Botswana 2001, p. 16
- ↑ University of Botswana 2001, p. 19
- ↑ Otlogetswe, Thapelo J (2016). "The Design of Setswana Scrabble". South African Journal of African Languages. 36 (2): 153–161. doi:10.1080/02572117.2016.1252008. S2CID 63584935.
- ↑ University of Botswana 2001, p. 10
- ↑ University of Botswana 2001, p. 3
- ↑ University of Botswana 2001, pp. 11–12
- ↑ University of Botswana 2001, pp. 14–15
- ↑ University of Botswana 2001, p. 32
- ↑ University of Botswana 2001, pp. 31–32
- ↑ University of Botswana 2001, p. 34
- ↑ Lekgogo, Olemme; Winskel, Heather (December 2008). "Learning to read Setswana and English: Cross-language transference of letter knowledge, phonological awareness and word reading skills". Perspectives in Education. 26 (4).
- ↑ "Тсвана-русская практическая транскрипция". iling-ran.ru. Retrieved 22 Phalane 2025.
- ↑ Cole 1955, pp. 68–69
- ↑ Cole 1955, p. 70
- ↑ http://www.setswana.info/wiki/index.php?title=Main_Page
- ↑ http://www.setswana.blogspot.com/